Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:26 PM
Page 8
2
THUTO
DIPEGO LE DIPUISO
Maikaelelo
Mo thutong e, moithuti o tshwanetse go kgona go:
◗ araba le go fa dikakgelo tse di lebaneng ka dipego tse di
farologaneng;
◗ araba le go akgela ka dipuiso tse di farologaneng;
◗ fa dipego le dipuiso tsa molomo tse di farologaneng;
◗ araba kana akgela ka dipego le dipuiso ka fa go tshwanetseng;
◗ fa malebogo kwa bofelong jwa puiso (vote of thanks) ka molomo
kgotsa mokwalo;
◗ lemoga dintlha tse di latelang tsa pego le puiso:
- Matseno;
- Mmele;
- Bokhutlo;
◗ kgaoganya dipego le dipuiso ka go supa gore di rulagantswe kana
ga di a rulaganngwa sentle;
◗ kwala dipego le dipuiso tse di rulagantsweng sentle e bile e le tsa
boleng jo bo kwa godimo;
◗ kwala dintlha tsa botlhokwa tsa pego/puiso/polelo;
◗ dirisa dintlha tsa botlhokwa go kwala pego/polelo/puiso e nt£ha;
◗ khutshwafatsa temana, pego kana puiso e a e filweng sentle.
8
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:26 PM
Page 12
Pego ya mofuta o yone, e kwalwa ke ngaka kana mooki a bega ka botsogo
jwa molwetsi, kalafi e a e neetsweng le malatsi a go bona ngaka gape fa
go tlhokafala.
•
Pego ya patlisiso
E ke pego e mmatlisisi a dirang patlisiso ka sengwe mme e re kwa morago
a fe pego ka patlisiso ya gagwe. Pego e e ka dirwa ka mokwalo kana ka
molomo. Mo patlisisong ya gagwe, mmatlisisi o ka botsa batho dipotso
ka se a batlisisang ka sone, a bale dibuka tse di buang ka patlisiso ya
gagwe. Kwa bofelong mmatlisisi o ka tswa ka ditshwaelo kana megopolo
ya botlhokwa: A o ke o bale sekai se:
Setlhogo: Kwelotlase ya maduo a Setswana mo dikolong
tse dipotlana
Matseno
Patlisiso e, e ne e itebagantse le go batlisisa ka ga go wela tlase ga maduo
a thuto ya Setswana mo dikolong tse dipotlana.
Mokgwa wa go kokoanya megopolo
Mmatlisisi o ne a phutha megopolo mo baithuting, barutabaneng le mo
set£habeng ka kakaretso mabapi le maikutlo a bone ka thuto ya
Setswana.
Pego ya maduo:
Maduo a supile fa baithuti ba sa rate Setswana ka ba sa bone mosola wa
sone. Barutabana ba Setswana ba supile fa maduo a wela tlase ka ntlha
ya gore batsadi le bone ba tlhoka kgatlhego mo thutong ya Setswana.
Mabaka a mangwe a ba a ntshitseng ke gore bagokgo ba dikolo ba itsa
baithuti go bua Setswana ka nako ya dithuto. Ba boletse gape gore thuto
ya Setswana ga e na didirisiwa tse di nonofileng jaaka mo dithutong tse
dingwe.
12
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:26 PM
Page 13
Megopolo
Barutabana ba kopile gore batsadi ba tshwaraganele thuto e ya Setswana
le bone. Ba kopile mmuso go ba thusa ka madi a go reka ditlamelo tse di
ka dirisiwang go tokafatsa thuto e. Ba bile ba ikopela go duelwa botoka
fela jaaka barutabana ba thuto ya maranyane, Dipalo le Design and
Technology.
Thulaganyo ya pego
Fela jaaka mo polelong, pego le yone e na le:
•
•
•
•
Setlhogo
Matseno
Mmele
Bokhutlo
Setlhogo sa pego
Go botlhokwa go lemoga gore setlhogo sa pego se farologana le sa polelo.
Fa setlhogo sa polelo se batla go akanyediwa, sa pego sone se
tlhamaletse. Se batla go kwalwa kgotsa go begwa ditiragalo fela jaaka di
diragetse.
Dikai tse di latelang ke tsa ditlhogo tsa dipego:
•
•
•
Bogodu jwa dikgoka mo toropo-kgolo Gaborone bo ntse bo golela
pele.
Dipolao di ntse di golela pele.
Letamo la Gaborone le setse fela ka diperesente di le lesome le bosupa.
Puo le mokgwa wa go kwala pego
Ela tlhoko dilo tse di latelang fa o kwala pego:
•
•
•
•
Dirisa puo e e tlhamaletseng.
Temana nngwe le nngwe e nne le mogopolo o mo£a
Pego e nne le dintlha tse e ikaegileng ka tsone
E nne le ditiragalo tsa botlhokwa
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
13
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:27 PM
Page 16
Thutiso 2: Go bala
1.
Bala pego mo pampiring ya dikgang e morutabana a tla e go fang,
morago o arabe dipotso tse di latelang:
(a) O lemogile eng ka setlhogo sa pego e o e badileng? Fa o bona ke
eng se kwadilwe jalo?
(b) Inola temana ya matseno le ya bokhutlo mme o di kwalololele
mo bukeng ya gago.
(c) Kwala ntlha ya botlhokwa ya temana nngwe le nngwe.
(d) Inola tiragalo kgotsa ditiragalo tsa botlhokwa tsa pego eo.
Thutiso 3: Go reetsa
2.
Morutabana o tlaa go balela pego nngwe go tswa mo pampiring ya
dikgang ya “Daily News”. Mo reetse ka kelotlhoko, morago o arabe
dipotso tse:
(a)
(b)
(c)
(d)
Inola setlhogo sa pego.
Pego e bua ka ga eng? Bolela dilo di le tharo.
O lemogile eng ka setlhogo sa pego le matseno?
Pego eo e konetswe ka tsela e e ntseng jang?
Thutiso 4: Go bua
Buisanyang lo le mo ditlhot£hwaneng tsa lona ka puisano e e fa tlase,
morago lo kwale pego e khutshwane ka yone.
Ke tlholegile
kwa motseng wa Jackalas
No1, ke tshotswe ka 1901.
16
Rremogolo, o
na le bana ba
le kae?
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:27 PM
Page 20
Dipuiso
Lebelela setshwantsho se se fa tlase, mme morago o arabe dipotso ka ga
sone.
(a) Abelela gore tiragalo e ke ya eng.
(b) Bolela gore tiragalo e e diragala kae.
(c) Motho yo o lebegang a buisa batho yo, o bitswa gotwe ke mang?
Thutiso 9: Go reetsa
Reetsa palo
Reetsa morutabana a go balela temana go tswa mo bukeng ya gagwe,
morago o arabe dipotso.
20
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:27 PM
Page 21
Dipotso
1.
2.
3.
4.
5.
6.
Puiso batho e e ne e dirwa kwa sekolong sefe?
Ke puiso batho ka ga eng?
Ke eng se go tweng se ntse le maduo a 89%?
Molaetsamogolo wa puiso batho e ke ofe?
Nankola dilo tse dingwe tse pedi tse go builweng ka tsone mo
temaneng e.
Ke eng se o se lemogileng ka tsela e puiso batho e simolotsweng ya
bo ya konelwa ka teng?
Thutiso 10: Go bala
Bala puiso (puo kana speech) e e fa tlase morago lo buisane ka yone lo le
setlhopha. Elang tlhoko thulaganyo ya puiso gore e farologana jang le ya
pego jang.
•
•
•
•
•
•
•
•
Motsamaisa tiro,
Mogokgo wa sekolo sa Majwanamasweu, Rre Thobo,
Megokgo yotlhe e e fa,
Barutabana,
Baeng botlhe ba tlotla,
Batsadi,
Baithuti,
Bomma le borra.
Ke leboga thata gore ke bo ke laleditswe fano gompieno, go tla go ipela
le lona jaaka lo ipelela maduo a mantle, a Lokwalo lwa Bosupa, a bofelo
jwa ngwaga wa 2004.
Jaaka lo itse, sekolo sa Majwanamasweu ke sone se se tsereng maemo a
ntlha mo kgaolong ya Dihutshelo. Se ne se iteisana borathana le dikolo
tse dingwe di le lesome le bobedi, mme sa di gaisa ka masome a roba
bobedi le boferabongwe mo lekgolong. Se, bagaetsho ke maiteko fela a
matona.
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
21
Bots Setsq4 Std7 mod 2
13/8/07
11:27 PM
Page 22
Motsamaisatiro, nte ke tseye sebaka se go leboga barutabana, go bo ba
ntse pelotelele le boineelo go katisa bana ba re ba bonang gompieno ba
le fa pele ga rona, bana ba ba fileng sekolo se leina.
Ke a leboga.
Moithuti, o tlaa lemoga gore puiso batho, fela jaaka pego, polelo le
lekwalo, e kgaogantswe ka matseno, mmele le bokhutlo. Pharologano
ke gore puiso yone e simolola ka go balolola batho, bogolo jang ka
maemo a bone. Seo e a bo e le go ba tlotla, go ba dumedisa le go ba
amogela, kgotsa re ka re go itumelela go nna teng ga bone.
Pharologano e nngwe ke gore mmuisabatho fa a digela, o leboga
bareetsi, a ba lebogela go nna pelotelele le go reetsa ka tshisibalo se a
se ba tsholetseng.
Motho fa a ya go buisa batho o ela tlhoko gore o ya go bua le
bomang, le gone, ba kitso efe kana bokgoni jo bo kae. O tshwanetse
gape a itse maikaelelo a puiso ya gagwe.
Malebogo
Balang malebogo a a fa tlase, morago lo buisane ka one lo le setlhopha.
Lo buisane lo lebile dipotso tse di fa tlase:
Motsamaisatiro
Moeng wa rona wa tlotla, Rre Letswai
Megokgo yotlhe e e fano gompieuo
Barutabana
Batsadi
Baeng botlhe ba tlotla
Baithuti
Bomma le borra.
Ke leboga Rre Letswai ka a sa ipona tsapa go tla go bua le rona.
22
1.2.1.1; 1.2.1.2; 2.3.1.1; 2.3.1.2; 2.3.1.3; 2.3.1.4; 2.3.1.5; 3.2.1.1; 3.2.1.2; 4.2.1.1; 4.2.1.2; 4.2.1.3; 4.2.1.4; 4.2.1.5; 4.2.1.6
Scarica

Bots Setsq4 Std7 moSup