!"#2
Mathata a go
Fudugela Kwa
Nageng e Sele
FEBRUARY 2013
!"#2
MO MAKASINENG ONO
s
TS E DI NGWE DI
MO INTERNET
www.jw.org/tn
S E T L H O G O S A K A FA N T L E
TSA BASHA
r
BASHA BA BOTSA JAANA . . .
KE ENG SE KE TSHWANETSENG
GO SE ITSE KA GO ROMELELANA
MELAETSA KA FOUNO?
MATHATA A GO FUDUGELA
Kwa Nageng e Sele
TSEBE 6-9
Fa go romelelana melaetsa ka founo
go dirisiwa sentle, e ka nna tsela e e
molemo ya go buisana le ditsala.
Fa go sa dirisiwe sentle, go ka senya
botsala jwa gago le leina la gago.
Utlwa dikakantsho tsa gore o ka romelelana melaetsa le mang, ka eng
le gone leng.
(Leba ka fa tlase ga setlhogo sa DITHUTO TSA
BAEBELE/TSA BASHA)
BANA
3 DITIRAGALO TSA LEFATSHE
4 GO THUSA MALAPA
Tsela ya go Kgaotsa go Ngangisana
10 POTSOLOTSO
Motlhami wa Diroboto o Tlhalosa Tumelo
ya Gagwe
12 TSA MALOBA
Plato
14 BAEBELE YA RENG?
Batlhoki
r
Bala dipolelo tsa Baebele tse
di nang le ditshwantsho. Dirisa
ditsebe tse di nang le ditshwantsho
go thusa bana ba gago go oketsa
kitso ya bone ka batho ba go
buiwang ka bone mo Baebeleng le
ka melaometheo ya boitsholo.
(Leba ka fa tlase ga setlhogo sa DITHUTO TSA
BAEBELE/BANA)
16 A O NE O TLHAMILWE?
Mogatla wa Mokgantitswane wa Agama
Vol. 94, No. 2 / Monthly / TSWANA
Kgatiso ya Makasine Mongwe le Mongwe: 43 524 000 ka Dipuo di le 98
Kgatiso eno ga e rekisiwe. Ke karolo ya tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme
e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Ditemana tse di mo kgatisong eno di tswa mo Baebeleng ya
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e
latelang morago ga temana nngwe gone go supa gore temana eo e ranotswe go tswa go New World Translation
of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane.
Awake! (ISSN 0005-237X) is published monthly by Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.;
L. Weaver, Jr., President; G. F. Simonis, Secretary-Treasurer; 25 Columbia Heights, Brooklyn, NY 11201-2483. Printed
in South Africa by Watch Tower Bible and Tract Society, 1 Robert Broom Drive East, Rangeview, Krugersdorp, 1739.
5 2013 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. All rights reserved.
A o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa thuto ya legae ya mahala ya Baebele?
Ya kwa www.jw.org/tn kgotsa romela kopo
ya gago mo atereseng e e fa tlase fano.
JEHOVAH’S WITNESSES: SOUTH AFRICA: Private Bag X2067,
Krugersdorp, 1740. Go bona lenaane le le feletseng la diaterese
tsa lefatshe lotlhe, bona www.jw.org/contact.
D I T I R AG A L O T S A L E FAT S H E
UNITED STATES
Go ya ka Natural Resources Defense Council, go senngwa mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa dijo mo nageng eno yotlhe.
Ka sekai, go fopholediwa gore diperesente di le 7 tsa dijo tse di lemiwang ga di robiwe, diperesente di le 17 tsa dijo tse di
ˇ
tsholwang kwa diresetshurenteng le kwa
dikhefing di latlhiwa di sa jewa le gore malapa a latlha diperesente di ka nna 25 tsa
dijo tse a di rekang.
Chameleon: Frank Glaw/Zoologische
¨
Staatssammlung Munchen/
Reuters/Newscom
GERIKA
Dipalopalo tse di ntshitsweng ke Lefapha la Botsogo la Kwa Gerika di bontshitse gore batho ba
ba ipolayang kwa Gerika
ba oketsegile ka diperesente di le 40 mo dikgweding tsa ntlha tse tlhano
tsa 2011, fa go bapisiwa
le dikgwedi tseo ka 2010.
Palo eo e oketsegile ka
nako ya fa go ne go simologa mathata a ikonomi
ka 2011.
MADAGASCAR
Bosheng jaana kwa Madagascar go ne ga
bonwa lelobu le lennye go a gaisa otlhe mo lefatsheng. Dingwe tsa ditshedinyana tseno tse dithokwa di gola go fitlha go dimilimetara di le 29 e bile
di ka kgona go nna mo lenaleng la motho. E re ka
tikologo e le kgonang go tshela sentle mo go lone
e le mo kotsing ya go senngwa, setshedi seno se
ka tswa se le mo kotsing ya go nyelela.
ISERAELE
Haaretz.com e bega gore bana “ba ba tshotsweng ba na le bogole bongwe jo bo
ka bong bo lemogilwe ba sa ntse ba imilwe”
ba ka se tlhole ba kgona go isa ba tsa kalafi kwa kgotlatshekelong gore ba ba duele
“ka gonne ba letleletse gore ba tsholwe ba
na le bogole.” Mme batsadi bone ba sa ntse
ba ka kgona go isa ba tsa kalafi kwa kgotlatshekelong ka gonne “ba letlile gore ba tshole ngwana yo o nang le bogole” e le gore ba
newe madi a go duelela “ditshenyegelo tsa
go godisa ngwana yo o nang le bogole le go
mo tlhokomela botshelo jotlhe jwa gagwe.”
AUSTRALIA
Kwa Australia, baratani ba le 8 mo go ba le
10 ba nna mmogo
pele ga lenyalo.
G O T H U SA M AL APA L ENYA LO
Tsela ya go
Kgaotsa go
Ngangisana
KGWETLHO
A wena le molekane wa gago
lo palelwa ke go buisana lo ritibetse? A o nna o tshwenyegile ka gonne o sa itse gore a
se o se buang kgotsa se o se
dirang se ka galefisa molekane wa gago mme sa felela ka
gore lo kgakgauthane ka mafoko?
Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore maemo a ka tokafala. Mme sa ntlha, o tshwanetse go itse gore ke eng fa
wena le molekane wa gago lo
nnela go ngangisana jaana.
LEBAKA LA GO BO GO DIREGA
Go sa tlhaloganyane. Mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o
bidiwang Jillian1 a re: “Ka dinako dingwe ke bolelela monna
wa me sengwe mme a bo a se tsaya ka tsela e sele. Kgotsa
ke ithaya ke re ke mmoleletse sengwe mme tota ke sa se
mmolelela. Seo tota se kile sa diragala!”
Go se dumalane ka mogopolo. Go sa kgathalesege gore
wena le molekane wa gago lo ka lebega lo tshwanelana go
le kana kang, tsela e lo lebang dilo ka yone mo dikgannyeng
dingwe e ka se tshwane. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba
babedi ba ka se tshwane kgo, mme seo se ka dira gore go
nne monate kgotsa go nne le dikgotlhang mo lenyalong. Mo
banyalaning ba le bantsi seo se baka dikgotlhang.
Go se nne le dikao tse di molemo. Mosadi mongwe yo
o nyetsweng e bong Rachel a re: “Batsadi ba me ba ne ba
ngangisana gantsi mme ba ne ba buisana ka mafoko a a sa
bontsheng tlotlo, ka jalo fa ke sena go nyalwa ke ne ke
`
bua le monna wa me ka tsela e Mme a neng a bua le Rre ka
yone. Ke ne ke sa ithuta go bontsha tlotlo.”
Se tota se bakang dikgotlhang. Gantsi fa go nna le komang e e botlhoko e a bo e sa bakwe ke se se omanelwang.
Ka sekai, fa komang e simolola ka mafoko a a reng, “O nna
fela o le thari!” lebaka e ka tswa e se go se tshware nako,
mme e le gore molekane yo mongwe o ikutlwa a sa akanyediwe.
Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go nnela go ngangisana
go ka ama botsogo jwa gago ka tsela e e sa siamang e bile
go ka felela ka gore kgabagare lo tlhalane. Ka jalo, lo ka dirang go kgaotsa go ngangisana?
1Maina a fetotswe.
r
Bona ditlhogo tse di oketsegileng tse di ka thusang malapa mo www.jw.org/tn
SE O KA SE DIRANG
Tsela e e molemo ya go thibela go ngangisana ke go batla
se tota se bakang dikgotlhang. Fa dilo di ile meriting, leka
go dira se se latelang le molekane wa gago.
1. A mongwe le mongwe wa lona a kwale mo pampiring
ya gagwe kgang e lo neng lo ngangisana ka yone bosheng.
Ka sekai, monna a ka kwala jaana, “O tlhotse letsatsi lotlhe
le ditsala tsa gago mme ga o a nteletsa mogala go mpolelela gore o ne o le kae.” Mosadi ene a ka kwala jaana, “O ne
wa galefisiwa ke gore ke tlhotse le ditsala tsa me.”
2. Tlotlang ka dintlha tse di latelang, mongwe le mongwe a
leka go tlhaloganya yo mongwe: A kgang eno e ne e le masisi go le kalo? A e ka bo e ile ya tlodisiwa matlho? Mo maemong mangwe, e le gore go nne le kagiso, go ka nna botoka
go amogela gore ga lo lebe dilo ka go tshwana lo bo lo bipa
kgang ka lorato.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 17:9.
Fa wena le molekane wa gago lo swetsa ka gore
kgang eno e ne e se ya sepe, kopang maitshwarelo mongwe
go yo mongwe, mme lo se tlhole lo bua ka yone.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:13, 14.
Fa mongwe wa lona kgotsa loobabedi lo tsaya kgang eno
e le masisi thata, fetelang kwa kgatong e e latelang.
3. Kwala gore o ile wa ikutlwa jang fa lo ne lo ngangisana
mme molekane wa gago le ene a dire jalo. Ka sekai, monna
a ka kwala jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete o rata go fetsa
nako le ditsala tsa gago go na le go e fetsa le nna.” Mosadi
ene a ka kwala jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete o ntshwere
jaaka ngwana yo o nnang a tlhoka go itsise rraagwe gore o
dira eng.”
4. Ananyang dipampiri tsa lona mme mongwe le mongwe
wa lona a bale se yo mongwe a se kwadileng. Ke eng se
tota molekane wa gago a neng a tshwenyegile ka sone fa lo
ne lo ngangisana? Buisanang ka se lo ka bong lo se dirile go
rarabolola se tota se bakileng kgotlhang mo boemong jwa
go ngangisana.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:11.
DITEMANA TSA
KO N O KO N O
“Yo o bipang tlolo o batla lorato.”
—Diane 17:9.
“Tswelelang lo itshokelana e bile
lo itshwarelana lo gololesegile.”
—Bakolosa 3:13.
“Sematla se ntsha moya wa sone
otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Diane 29:11.
FA LO ILE LWA
NGANGISANA . . .
Lekang go bona se tota se
bakileng kgotlhang: Fa lo ne lo
ngangisana, tota ke eng se mongwe le mongwe wa lona a neng
a se tlhoka mo go yo mongwe?
Lekang go lemoga selo sa konokono se se bakileng kgotlhang.
Akanyang ka se tota se diragetseng: Lo ka bo lo dirile eng
go rarabolola se tota se bakileng kgotlhang mo boemong
jwa go ngangisana?
Fa kgang e ne e se ya
sepe, kopang maitshwarelo
mongwe go yo mongwe, mme
lo se tlhole lo bua ka yone
5. Buisanang ka se lo se lemogileng mo motlotlong ono. Lo
ka dirisa jang se lo se lemogileng go rarabolola kgotlhang
kgotsa go thibela kgotlhang mo nakong e e tlang? ˛
Tsogang! February 2013
5
S E T L H O G O S A K A FA N T L E
Mathata a go Fudugela
Kwa Nageng e Sele
GO BATLA BOTSHELO JO BO BOTOKA
EORGE o ne a tlaletswe. O ne a sa kgone go
tlamela ba lelapa la gagwe sentle. Ka fa
letlhakoreng le lengwe, o ne a bona batho ba lefelo la bone ba lwala mme ba bangwe ba lebega
ba bolawa ke tlala. Mme o ne a itse gore kwa nageng nngwe e e gaufi maemo a ne a le botoka. O
ne a akanya jaana: ‘Ke tla fudugela kwa nageng
e sele, ke batle tiro, ke bo ke bitsa le ba lelapa la
me.’
Patricia le ene o ne a eletsa go ya go simolola
botshelo jo bosha kwa moseja. O ne a sa bereke
mme o ne a ka se bone tiro motlhofo. Ene le
lekau la gagwe ba ne ba swetsa ka gore ba
tswe kwa Nigeria ba fudugele kwa Spain ba feta
ka Algeria mme ba sa itse gore mosepele wa
go ralala Sekaka sa Sahara o ne o tla nna bokete go le kana kang. O ne a re: “Ke ne ke le moimana mme ke ne ke ikaeletse go direla ngwanake botshelo jo bo botoka.”
Rachel ene o ne a batla go simolola botshelo
G
jo bo botoka kwa Yuropa. O ne a latlhegetswe
ke tiro kwa Philippines, mme ba losika ba ne ba
ˇ
re go na le mebereko e mentsi ya dikitshini kwa
moseja. Ka jalo, o ne a adima madi gore a palame sefofane mme a laela monna wa gagwe le
morwadie, a ba solofetsa jaana: “Re ka se kgaogane lobaka lo loleele.”
Go fopholediwa gore batho ba feta dimilione di
le 200 ba ba jaaka George, Patricia le Rachel ba
fudugetse kwa dinageng di sele mo dingwageng
tsa bosheng jaana. Le fa bangwe ba fudugile ka
ntlha ya dintwa, ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego kgotsa go bogisiwa, bontsi bo fudugile ka
gonne ba batla go tokafatsa botshelo jwa bone.
Bafaladi ba lebana le mathata afe kwa dinageng
tse ba fudugelang kwa go tsone? A botlhe ba
bona botshelo jo bo botoka jo ba bo solofetseng?
Fa motsadi a fuduga a ya go batla mafulo a matalana, seo se ama bana jang? Sekaseka dikarabo tse di latelang tsa dipotso tseno.
MOSEPELE WA GO YA KOO LE GO TLWAELA GO NNA TENG
Gantsi kgwetlho ya ntlha ya go fudugela kwa
nageng e sele ke mosepele ka boone. George,
yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, o ne
a tsaya mosepele wa dikilometara di le makgolokgolo a se na dijo tse di lekaneng. O bolela
jaana: “Mosepele wa go ya koo o ne o le bokete tota.” Bafaladi ba le bantsi ga ba goroge le
kwa ba yang teng.
Patricia o ne a ya kwa Spain. O ne a tsamaya ka lori go ralala Sekaka sa Sahara. “Re
ne ra tsaya beke go tswa Nigeria go ya Algeria mme re ne re sukagane mo loring re le 25.
Fa re ntse re le mo tseleng re ne ra bona ditopo di le dintsi mmogo le batho ba tsamayatsamaya mo sekakeng ba lebega ba ka swa nako
nngwe le nngwe. Go lebega bakgweetsi bangwe ba dilori ba tlogela bapalami ka bopelompe mo tseleng.”
Go farologana le George le Patricia, Rachel o
ne a kgona go tsamaya ka sefofane go ya kwa
ˇ
Yuropa, kwa a neng a tla dira tiro ya dikitshini
gone. Mme o ne a ise a ko a akanye gore a ka
tlhoafalela morwadie wa dingwaga tse pedi
thata jaana. A re: “Nako le nako fa ke ne ke
`
bona mme mongwe a na le ngwana wa gagwe
yo monnye ke ne ke utlwa botlhoko tota.”
George o ne a fitlhela go le thata go tlwaela naga e a neng a fudugetse kwa go yone. Go
ne ga feta dikgwedi pele a ka kgona go romela
madi kwa gae. O bolela jaana: “Go ne ga feta
masigo a le mantsi ke lela ka gonne ke jewa
ke bodutu e bile ke kgobegile marapo.”
Patricia o ne a goroga kwa molelwaneng wa
Morocco morago ga go nna dikgwedi di le
mmalwa kwa Algeria. A re: “Fa ke le koo ke ne
ka belega morwadiake. Ke ne ka tshwanelwa
ke go iphitlhela batho ba ba gapang basadi
ba bafaladi ba bo ba ba pateletsa go gweba ka
mmele. Kgabagare ke ne ka bona madi a a lekaneng go kgabaganya lewatle le le kotsi go ya
Spain. Re ne re tsamaya ka mokoro o o sekgoropa e bile o sa siamela go rwala bapalami ba
bantsi ba o neng o ba rwele. Re ne ra tshwanelwa ke go gelela metsi re a ntsha mo mokorong ka ditlhako tsa rona! Fa re fitlha fa losing
lwa Spain ke ne ke lapile mo ke neng ke se na
maatla a go tsamaya.”
Gone ke boammaaruri gore batho ba ba
batlang go fudugela kwa dinageng di sele ga
ba a tshwanela fela go akanya ka dikotsi tse di
ka diregang mo mosepeleng. Gape ba tshwanetse go akanyetsa mathata a a ka nnang
gone a go tlwaela puo le setso sa kwa nageng e ba fudugelang kwa go yone, mmogo le
ditshenyegelo le mathata a a amanang le melao a go leka go nna baagi ba naga kgotsa banni ba ba kafa molaong mme e se baagi ba
teng. Go le gantsi bafaladi ba ba palelwang ke
go bona dipampiri tsa semolao tsa go nna kwa
nageng eo, ba go fitlhela go le thata go bona
tiro e e siameng, bonno jo bo siameng, thuto
kgotsa tlhokomelo ya botsogo. Gape ba ka
nna ba thatafalelwa ke go nna le lekwalo la go
kgweetsa kgotsa akhaonto ya banka. Ka maswabi, gantsi batswakwa ba ba se nang dipampiri tsa semolao ba jewa ntsoma, gongwe
ka go berekisiwa ka thata ba bo ba newa madi
a mannye.
Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa ke madi ka boone. A ruri re tshwanetse go a ikanya? Baebele e naya kgakololo eno
e e mosola: “Nna botlhale mme o se itapise
ka go leka go huma. Madi a gago a ka nyelela
M O FAL AD I WA M E T L H A
YA B O G O LO G O LO
Moitse wa ikonomi e bong J. K. Galbraith o ne
a kwala jaana: ‘Batho ga ba bolo go nna ba fudugela
kwa mafelong a mangwe ba tshabela khumanego.’
Mongwe wa batho ba ba neng ba dira jalo ke Jakobe,
ˇ
yo setshaba sa Iseraele se simologileng ka ene. Jakobe le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ka nna 70 ba ne ba
fudugela kwa Egepeto ka ntlha ya leuba le le neng le
le kwa Kanana mme ba nna koo ka lobaka lo loleele.
(Genesise 42:1-5; 45:9-11; 46:26, 27) Tota e bile Jakobe o ne a swela kwa Egepeto mme ditlogolwana
tsa gagwe di ne tsa nna koo dingwaga di ka nna 200
pele ba boela Kanana.
Tsogang! February 2013
7
ka ponyo ya leitlho, jaaka e kete a tlhogile diphuka a bo a fofa jaaka ntsu.” (Diane 23:4, 5,
Good News Translation) Gape gakologelwa
gore dilo tse re di tlhokang go gaisa ke dilo tse
madi a ka se kgoneng go di reka—e leng, lorato, go se tshwenyege le go nna mo lelapeng le
le utlwanang. A bo go utlwisa botlhoko jang fa
batsadi ba dira gore lorato lwa madi lo nne botlhokwa go feta lorato lo ba ratanang ka lone
kgotsa “lorato lwa tlholego” lo ba ratang bana
ba bone ka lone!—2 Timotheo 3:1-3.
Gape batho ba dirilwe ba na le keletso ya go
batla go itse ka Modimo. (Mathaio 5:3) Ka jalo,
batsadi ba ba nang le maikarabelo ba dira
sotlhe se ba ka se kgonang go diragatsa maikarabelo a ba a neilweng ke Modimo a go ruta
bana ba bone ka Modimo, boikaelelo jwa gagwe le melao ya gagwe.—Baefeso 6:4.
“RE ELETSA E KETE BA KA BO BA DIRILE TSHWETSO E SELE”
Mosetsana yo o bidiwang Airen yo o neng a
`
nna kwa Philippines a re: “Fa Mme a ne a ya kwa Yuropa ke ne ke na le dingwaga di le robongwe mme ke
na le bonnake ba babedi ba basetsana. O ne a re solofetsa gore re tla ja dijo tse di botoka, re tla tsena sekolo se se botoka e bile re tla nna le legae le le botoka.
Ke sa ntse ke gopola letsatsi le a tsamaileng ka lone.
O ne a ntlamparela mme a re ke tlhokomele bonnake,
Rhea le Shullamite. Ke ne ka lela ka lobaka lo loleele.
`
“Morago ga dingwaga di le nne, Rre o ne a latela
`
Mme a ya go nna le ene. Fa a ise a tsamaye, ke ne ke
leka go tsamaya le ene gongwe le gongwe kwa a neng
a ya teng. Fa a ne a re laela, nna le bonnake re ne ra
mo tlamparela go fitlha a palama bese. Le mo lekgetlhong leno ke ne ka lela ka lobaka lo loleele ke sa gomotsege.”
Mosetsana yo mmotlana mo go ba bararo bano
e bong Shullamite a re: “Fa Airen a ne a na le dingwaga di le robongwe o ne a ntlhokomela jaaka e kete
`
ke Mme. Ke ne ke mmolelela mathata a me, mme
ene o ne a nthuta go itlhatswetsa, go alola, jalo le jalo.
Fa batsadi ba rona ba re leletsa, ka dinako tse dingwe
ke ne ke leka go ba bolelela kafa ke ikutlwang ka teng
mme ke ne ke sa kgone go itlhalosa sentle. Ga ke
dumele gore ka metlha ba ne ba tlhaloganya se ke se
buang.
“Gantsi batho ba ne ba mpotsa gore a ke ne
ke tlhoafaletse batsadi ba me. Ke ne ke a tle ke ba
arabe ke re, ‘Ee gone.’ Mme go bua boammaaruri fela,
`
tota ke ne ke sa gopole Mme. O tsamaile ke na le di`
ngwaga di le nne mme ke ne ka tlwaela go tshela ntle
le ene.”
Airen a re: “Kgabagare fa ke ne ke na le dingwaga
di le 16, nna le bonnake re ne ra ya go nna le batsadi
ba rona. Ke ne ke swegaswega pelo! Mme fa re goroga, ke ne ka lemoga gore re ne re sa tlhole re atamalane le bone.”
Rhea ene a re: “Ke ne ke sa bolelele ope mathata a
me. Ke ne ke le ditlhong ka tlholego mme go ne go le
thata go bontsha kafa ke ikutlwang ka teng. Fa re ne
re le kwa Philippines re ne re nna le malome le mmamalome, ba ba neng ba na le bana ba le bararo. Le fa
ba ne ba re tlhokomela, ba ne ba ka se nne jaaka batsadi ba mmatota.”
Airen o konela jaana: “Fa lelapa la rona le ne le sa
ntse le humanegile re ne re sa sotlege—re ne re se ke
re lala ka tlala. Mme nna le bonnake re ne ra sotlega
fa batsadi ba rona ba sena go re tlogela. Re na le dingwaga di le tlhano jaanong re nna mmogo re le lelapa mme go se nne mmogo ka lobaka lo loleele go
nnile le ditlamorago tse di botlhoko. Re a itse gore batsadi ba rona ba a re rata mme re eletsa e kete ba ka
bo ba dirile tshwetso e sele.”
LELAPA LE LE KITLANENG—LE BOTLHOKWA GO FETA MADI
Le fa gone bafaladi ba ka tswa ba diragalelwa
ke dilo tse di sa tshwaneng, ba le bantsi ba felela ba diragaletswe ke dilo dingwe tse di
tshwanang, jaaka go diragaletse George, Rachel
le Patricia ba ba umakilweng pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo. Lelapa le goga bokete fa motsadi a tsamaya kgotsa fa molekane
yo mongwe wa lenyalo a tlogela molekane wa gagwe, e bile go ka feta dingwaga di le dintsi pele
lelapa le kopana gape. Lelapa la ga George lone
`
le ne la tsaya dingwaga di feta nne pele le kopana gape.
Rachel ene o ne a kgona go boela kwa
Philippines ka sefofane go ya go tsaya morwadie morago ga go kgaogana le ene ka dingwaga
di ka nna tlhano. Mme Patricia ene o ne a goroga kwa Spain a kukile leseanyana la gagwe. Patricia a re: “Ke ene fela yo nka mmitsang wa lelapa la me mono, ka jalo ke leka ka natla go mo
tlhokomela.”
Bafaladi ba le bantsi ba tshwanelwa ke go
itshoka mo nageng e ba fudugetseng mo go
yone le fa ba jewa ke bodutu, ba na le mathata a
madi e bile ba kgaogane le ba malapa a bone lobaka lo loleele. Ba dirile go le gontsi gore ba
fuduge, ka jalo fa dilo di sa ba tsamaele sentle,
ke ba le mmalwa fela ba ba ipetang pelo go boela gae le fa seo se kaya gore ba ka lebana le go
tlhabiwa ke ditlhong.
Mongwe yo o neng a ipeta pelo go boela
gae ke Allan, yo o tswang kwa Philippines. Le
fa a ile a bona tiro e e duelang sentle kwa Spain,
morago ga dikgwedi di le 18 o ne a boela gae. A
re: “Ke ne ke tlhoafaletse mosadi wa me le mosetsanyana wa me fela thata. Ke ne ka swetsa
ka gore nka se tlhole ke ya go bereka kwa moseja, ntle le fa re ka fuduga rotlhe re le lelapa.
Mme kgabagare re ne ra dira jalo. Lelapa le botlhokwa thata go feta madi.”
Jaaka Patricia a ile a lemoga, go na le sengwe
gape se se botlhokwa go feta madi. Fa a goroga
ˇ
kwa Spain o ne a na le “Tesetamente e Ntsha,”
kgotsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. A
re: “Ke ne ke tsaya buka eno e le pheko e e
ntshireletsang. Mme ke ne ka kopana le mosadi
mongwe yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Pele ga foo ke ne ke sa kgatlhegele go
bua le batho ba bodumedi jono. Ka jalo ke ne
ka mmotsa dipotso di le dintsi ke batla go senola gore dilo tse a di dumelang di phoso. Mme
mo boemong jwa se ke neng ke se akantse, o
ne a kgona go buelela dilo tse a di dumelang le
go araba dipotso tsa me a dirisa Baebele.”
Se Patricia a neng a se ithuta se ne sa mo lemosa gore go nna le boitumelo jo bo nnelang
ruri le isagwe e e tlhomameng go ikaegile ka
go itse Modimo le se a se ikaeletseng ka rona e
seng ka gore motho o nna kae kgotsa o na le
madi a le kana kang. (Johane 17:3) Sengwe sa
dilo tse Patricia a neng a di ithuta ke gore Modimo wa boammaaruri o na le leina—Jehofa. (Pesalema 83:18) Gape o ne a bala mo Baebeleng
gore Modimo o tla tloga a fedisa khumanego yotlhe a dirisa puso ya Bogosi jwa gagwe jo bo eteletsweng pele ke Jesu Keresete. (Daniele 7:13,
14) Pesalema 72:12, 14 ya re: “[Jesu] o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le
yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le
mo tshiamololong.”
Ke eng fa o sa iphe nako ya go sekaseka Baebele? Buka eno e e nang le botlhale jwa Modimo
e ka go thusa go tlhaloganya se tota se leng botlhokwa mo botshelong, go dira ditshwetso tse di
molemo, le go itshokela diteko dipe fela tsa
gone jaanong o itumetse e bile o na le tsholofelo.—Diane 2:6-9, 20, 21. ˛
Tsogang! February 2013
9
P O T S O L O T S O M A S S I M O T I S TA R E L L I
Motlhami wa Diroboto o Tlhalosa
Tumelo ya Gagwe
Porofesa Massimo Tistarelli ke moitsesaense kwa Yunibesithing ya Sassari
kwa Italy. Ke mongwe wa barulaganyi ba dimakasine di le tharo tse di
itsegeng lefatshe lotlhe mme gape o ile a thusa go kwala dipego di feta
lekgolo tsa dipatlisiso tsa saense. O ithuta kafa batho ba gopolang
difatlhego tsa batho ba bangwe ka teng le kafa ba dirang ka teng dilo
tse di lebegang di le motlhofo jaaka go kapa bolo. Go tswa foo, o tlhama
dithulaganyo tse di dirang gore diroboto di kgone go tsibogela se di se
bonang—dithulaganyo tse di etsang se batho ba se dirang. Tsogang! e
ne ya mmotsolotsa ka tumelo ya gagwe le ka tiro e a e dirang e le
moitsesaense.
O goletse mo bodumeding bofe?
Batsadi ba me e ne e le
Bakatoliki ba ba sa nkeng ba ya kerekeng. Fa ke ne ke le lekawana ke
ne ka simolola go dumela gore Modimo ga a yo. Ke ne ka rutiwa
gore botshelo bo simolotse ka gore
ditshedi di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe mme ke ne
ka dumela gore seo ke boammaaruri. Mme le fa ke ne ke sa dumele
gore go na le Mmopi, ke ne ke
akanya gore go tshwanetse ga bo
go na le maatla mangwe a a fetang
a rona. E le gore ke bone gore maatla ao ke eng, ke ne ka ithuta dithuto tsa Bobuda, Bohindu le Bo-Tao
mme ga di a ka tsa nkgotsofatsa.
Ke eng se se dirileng gore o
kgatlhegele saense?
ˇ
Ke sale ke rata metshine ke le
ngwana. E bile ke ne ke a tle ke
tlhatlhamolole ditshamekisi tsa me
tsa motlakase, ke bo ke boa ke di
kopanya gape. Mme e re ka Rre e
ne e le moenjenere wa didirisiwa
tsa tlhaeletsano ke ne ke na le go
mmotsakaka dipotso tse dintsintsi
tsa gore diradio le difouno di bereka jang.
Tiro ya gago ya saense e
akaretsa eng?
Ke ne ka ithuta boenjenere jwa tsa
ileketeroniki kwa Yunibesithing ya
Genoa, mme go tswa foo ke ne ka
dira dipatlisiso tsa kafa ke ka tokafatsang ka teng tsela e diroboto
di dirang ka yone gore ke nne le dikirii. Ke ne ka dira dipatlisiso tse
di tseneletseng ka tsela e batho ba
bonang ka yone le kafa ke ka tlhamang ka gone diroboto tse di nang
le thulaganyo e e tshwanang le eo.
O kgatlhilwe ke eng mo tseleng
e batho ba bonang ka yone?
E raraane ka tsela e e gakgamatsang ka gonne ga e akaretse ma-
tlho fela—e akaretsa le bokgoni jwa
rona jwa go tlhaloganya se re se bonang. Ka sekai, ela tlhoko gore go
direga eng fa o kapa bolo. Fa o taboga o ya go kapa bolo, lense ya
leitlho la gago e dira gore setshwantsho sa bolo se tlhomame mo lethaponong (retina) la gago. Setshwantsho seo se tla feta mo
lethaponong la gago go ikaegile ka
gore bolo le leitlho la gago di tsamaya ka lobelo lo lo kana kang.
Gone go tlwaelegile gore o tla nna o
tlhomile leitlho la gago mo bolong.
Mme setshwantsho sa yone se nna
se tlhomame mo lethaponong la
gago fa dilo tse dingwe tsotlhe tsone di lebega di tsamaya.
Mo go yone nako eo, thulaganyo
ya gago ya go bona e lekanya lobelo
lo bolo e tsamayang ka lone le gore
e ya ntlha efe. Se se gakgamatsang
ke gore go lekanya gono go simolola gone mo lethaponong fa leitlho
la gago le fopholetsa lobelo lo bolo
e fetang dilo tse dingwe tse o di bonang ka lone. Morago ga moo tshikana ya pono e isa tshedimosetso
e e tswang mo lethaponong kwa bobokong, mme jone bo sekaseka
tshedimosetso eno bo bo bo go kaela gore o kape bolo. Thulaganyo eno
yotlhe e e raraaneng e jesa kgakge.
Ke eng se se go tlhotlheleditseng gore o dumele gore
go na le Mmopi?
Ka 1990, ke ne ka nna dikgwedi di
se kae kwa Dublin, kwa Ireland, ke
dira dipatlisiso kwa Trinity College.
Fa nna le mosadi wa me Barbara re
ne re le mo mosepeleng wa go boela gae re ne ra akanya ka isagwe ya
bana ba rona. Gape re ne ra swetsa ka gore re etele kgaitsadiake
yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. Kgaitsadiake o ne a nnaya
buka ya Life—How Did It Get Here?
By Evolution or by Creation? e e ga-
Ke ne ka akanya ka tiro ya me ya
go tlhama diroboto. Ke ne ke kopisa
dilo tse di tlhamilweng ke mang?
tisitsweng ke Basupi. Ke ne ka kgatlhiwa ke dipatlisiso tse di dirilweng
ka kelotlhoko fa go ne go kwalwa
buka eno. Ka yone nako eo ke ne
ka lemoga gore ke ne ke amogetse thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ke sa e sekaseka. Ka sekai,
ke ne ke tsere gore thuto eno e supelwa ke masaledi a a omeletseng
a ditshedi tsa bogologolo. Mme ga
go a nna jalo. Eleruri fa ke ne ke
ntse ke sekaseka thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go
nna tse dingwe ke ne ka tlhatswega pelo le go feta gore batho ba ba
rutang thuto eno ba e ruta fela gore
ba tlhomologe mme ba se na mabaka a a utlwalang.
Mme ke ne ka akanya ka tiro ya me
ya go tlhama diroboto. Ke ne ke kopisa dilo tse di tlhamilweng ke
mang? Le ka motlha nka se tlhame
roboto e e kgonang go kapa bolo
jaaka motho. Roboto e ka direlwa
thulaganyo ya go tshwara bolo
mme e le fela mo maemong a e rulaganyeditsweng go dira jalo mo go
one. E ka se kgone go dira jalo mo
maemong a e sa rulaganyediwang
go dira jalo mo go one. Bokgoni jwa
rona jwa go ithuta bo feta kgakala
ˇ
ˇ
jwa motshine—mme metshine e dirilwe ke mongwe! Ntlha eno ke
nngwe ya tse dintsi tse di ntlhatswitseng pelo gore go tshwanetse ga
bo go na le mongwe yo o re bopileng.
Ke ka ntlha yang fa o ile wa
nna mongwe wa Basupi ba ga
Jehofa?
Lebaka lengwe ke ka gonne nna le
Barbara re ne re rata mekgwa ya
bone ya go ithuta ka kelotlhoko. Ke
ne ka kgatlhiwa thata ke dipatlisiso
tse ba di dirang fa ba kwala dikgatiso tsa bone. Batho ba ba tshwanang le nna ba kgatlhiwa ke dipatlisiso tse di tseneletseng ka gonne
ba rata go itse dilo ka botlalo. Ka
sekai, ke ne ka kgatlhiwa thata ke
boporofeti kgotsa dipolelelopele di
le dintsi tse di mo Baebeleng. Go
ithuta ka tsone go ne ga ntlhatswa
pelo gore eleruri Baebele ke buka
ya Modimo. Ka 1992, nna le Barbara re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.
A go ithuta saense go koafaditse tumelo ya gago?
Nnyaa, tota e bile saense e nonotshitse tumelo ya me. Ka sekai, ela
tlhoko kafa re kgonang go lemoga
difatlhego tsa batho ba bangwe ka
teng. Losea lo ka dira seno diura di
le mmalwa fela fa lo se na go tsholwa. Nna le wena re kgona go lemoga ka bonako motho yo re mo
itseng, le fa a ka tswa a le mo gare
ga boidiidi. Tota e bile re ka nna ra
kgona go lemoga le kafa a ikutlwang ka teng. Le fa go ntse jalo,
re ka tswa re sa itse gotlhelele gore
go lemoga dilo jalo go akaretsa go
sekaseka tshedimosetso e ntsintsi
mo go diregang ka lobelo lo logolo.
Ee, ruri ke tlhatswegile pelo gore
thulaganyo ya rona ya go bona ke
mpho ya botlhokwatlhokwa e e
tswang kwa go Jehofa Modimo. Dimpho tsa gagwe, tse di akaretsang
Baebele, di ntlhotlheletsa go mo leboga le go bolelela ba bangwe ka
ene. Aitsane, ke bona go tshwanela
gore a newe tlotla ka ntlha ya dilo
tse a di dirileng. ˛
Tsogang! February 2013 11
T S A M A L O B A P L ATO
PLATO
Plato (mo e ka nnang ka 427-347 B.C.E.) e ne e le
rafilosofi wa moheitane wa Mogerika. O tsholetswe
kwa Athena mo lelapeng la maemo le le humileng
mme o ne a rutega ka tsela e go neng go tlwaelegile
gore basha ba bahumi ba Bagerika ba rutege ka
yone. O ne a tlhotlhelediwa thata ke rafilosofi yo o
ratiwang thata e bong Socrates le ke balatedi ba ga
Pythagoras, yo e neng e le rafilosofi e bile e le
moitsedipalo.
DI NT LH A KA
B OKH U T S H WANE
( Plato o tsewa e le mongwe
wa borafilosofi ba ba nnileng le
tlhotlheletso e kgolo go gaisa
botlhe mo historing.
( Fa e ne e le lekawana, o ne
a kgatlhegela dipolotiki mme di
ne tsa mo swabisa fela thata.
( Moragonyana o ne a kwala
ka dikgang tse di jaaka melao e e
siameng ya boitsholo, tshiamiso,
kitso, go nna tekatekano,
boineelo jwa bomodimo, moya le
bopelokgale.
( Moithuti yo o itsegeng thata wa
ga Plato e ne e le Aristotle yo o
neng a nna morutisi, rafilosofi le
moitsesaense.
A Plato a sena go etela mafelo a a mo dikgaolong tse di
gaufi le lewatle la Mediterranean le go tsenelela mo dipolotiking tsa toropo ya Syracuse e e kwa Sicily kwa Gerika, o ne
a boela kwa Athena kwa a neng a thaya Academy gone. Academy, e gantsi e bidiwang yunibesithi ya ntlha ya kwa Yuropa, e
ne ya nna lefelo la konokono la go dira dipatlisiso tsa dipalo le
tsa filosofi.
F
KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITSE?
Dithuto tsa ga Plato di tlhotlheleditse ditumelo tsa batho ba
bantsintsi, go akaretsa le batho ba ba ipitsang Bakeresete, ba
bontsi jwa bone ba nang le kakanyo e e phoso ya gore dithuto tseno di theilwe mo Baebeleng. Nngwe ya dithuto tsa konokono tsa ga Plato ke kgopolo ya gore moya wa motho o tswelela o tshela morago ga loso.
Plato o ne a kgatlhegela thata kgang ya botshelo
morago ga loso. Buka ya Body and Soul in Ancient Philosophy
ya re: “Kgang ya gore moya ga o swe ke nngwe ya dithuto tse
Plato a di ratang thata.” O ne a tlhatswegile pelo thata gore
“moya o tswelela o tshela fa motho a swa gore o kgone go
duelwa kgotsa go otlhaiwa kafa go tshwanelang ka gone” morago ga loso, go ikaegile ka gore motho o ne a tshela jang mo
lefatsheng.1
1 Le fa Plato a dirile gore kgopolo ya gore moya ga o swe e aname, ga se ene
motho wa ntlha go nna le yone. Kgopolo eno e e neng e rutiwa ka ditsela tse di
farologaneng e ne e sa bolo go nna karolo ya madumedi a boheitane go akaretsa a kwa Egepeto le Babelona.
“Kgang ya gore moya ga o swe ke nngwe
ya dithuto tse Plato a di ratang thata.”
—Body and Soul in Ancient Philosophy
DITHUTO TSA GA PLATO DI NE TSA ANAMA JANG?
Academy ya ga Plato e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo
mo dingwageng tse di makgolo a le robongwe tse e neng e
dira ka tsone, go tloga ka 387 B.C.E. go fitlha ka 529 C.E. Dithuto tsa ga Plato di ne tsa anama kwa dinageng tse di neng
di laolwa ke Gerika le Roma. Rafilosofi wa Mojuda e bong Philo wa Alexandria o ne a amogela dithuto tsa ga Plato fela jaaka baeteledipele ba le bantsi ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ile ba dira. Seo se ne sa felela ka gore dikgopolo
tsa filosofi ya boheitane tse di akaretsang thuto ya gore moya
ga o swe di simolole go tsena ka iketlo mo dithutong tsa Sejuda le tsa Bokeresete.
The Anchor Bible Dictionary ya re: “Thutabodumedi
yotlhe ya Bokeresete e theilwe ka selekanyo se se rileng mo
filosofing ya Segerika . . . , segolobogolo thuto ya ga Plato,
mme borafilosofi bangwe ba Bakeresete . . . ke Bakeresete ba
ba amogetseng megopolo ya ga Plato.” Bapisa dilo tse di bolelwang ke metswedi e e latelang ya tshedimosetso.
Se se builweng ke Plato: “[Fa motho a swa], se tota motho
a leng sone, se re se bitsang moya o o sa sweng, se a tswa se
ya kwa medimong e mengwe, go ya go . . . ikarabela—e leng
sengwe se basiami ba ka lebelelang pele kwa go sone ka
bopelokgale, mme badirabosula bone ba se tshaba lebaibai.”
—Plato—Laws, Book XII.
Se Baebele e se bolelang: Moya ke motho ka boene kgotsa botshelo jo a bo tshelang. Tota le diphologolo ke meya. Fa
motho a swa, moya ga o tswelele o tshela.1 Sekaseka ditemana tse di latelang:
ˇ “Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.”
—1 Bakorintha 15:45.
ˇ “Mme Modimo a tswelela a re: ‘A lefatshe le ntshe meya
e e tshelang kafa mefuteng ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le sebatana sa naga sa lefatshe.’ ”
— Genesise 1:24.
ˇ “A moya wa me o swe.”—Dipalo 23:10.
ˇ “Moya o o leofang—go tla swa one.”—Esekiele 18:4.
Go bonala sentle gore Baebele ga e rute gore moya o tswelela o tshela fa motho a swa. Ka jalo, ipotse, ‘A dilo tse ke di
dumelang di theilwe mo Baebeleng kgotsa mo filosofing ya ga
Plato?’ ˛
“Ga go na gope mo Baebele e
rutang teng ka tlhamalalo
gore moya o tswelela o tshela fa motho a swa.”—New
Catholic Encyclopedia.
“Tumelo e e nonofileng e e
tlhalosiwang ka botlalo ya
gore moya ga o swe e ne ya
simolola go itsetsepela morago ga go kwalwa ga Baebele . . . mme ya nna
nngwe ya dithuto tsa motheo tsa tumelo ya Bojuda
le ya Bokeresete.” (Mokwalo
o o sekameng ke wa rona.)
—Encyclopaedia Judaica.
“Tumelo ya gore moya o tswelela o tshela morago ga loso
e theilwe mo dikakanyong
tsa borafilosofi le baithutabodumedi . . . mme ka jalo
ga go na gope mo e rutiwang
teng ka tlhamalalo mo Dikwalong Tse di Boitshepo.”
—The Jewish Encyclopedia.
1 Baebele e ruta gore go ntse jaaka e kete baswi ba robetse, ba emetse tsogo ya baswi. (Moreri 9:5; Johane 11:11-14; Ditiro 24:15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore meya ga e swe, go ka se ka ga tlhokega gore e tsosiwe.
Tsogang! February 2013 13
B A E B E L E YA R E N G ? B AT L H O K I
BATLHOKI
A Modimo o amega ka batlhoki?
“A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go
rata madi . . . Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke
go tlogela ka gope le fa e le
go go latlha ka gope.’ ”
—Bahebera 13:5.
KAFA MODIMO A BONTSHANG KA TENG GORE O A AMEGA Fa
motho yo o obamelang Jehofa Modimo a lebana le dinako tse di thata, go ka bonala ka ditsela tse di farologaneng gore Modimo o amega
ka ene. Nngwe ya ditsela tseo ke thuso e e lorato e a e newang ke Bakeresete ka ene.1 Jakobe 1:27 ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o
o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go
tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.”
Bakeresete ba bogologolo ba ne ba thusana. Ka sekai, fa go ne go bolelelwa pele gore leuba le legolo le ne le tla wela lefatshe la Judea, Bakeresete ba kwa toropong ya Antioka e e kwa Siria ba ne ba rulaganya go
“romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” (Ditiro 11:28-30) Seo se ne sa felela ka gore Bakeresete ka bone
ba batlhoki ba newe dilo tse ba di tlhokang. Tsela eno e ba neng ba
aba ka yone ka go rata e ne ya bontsha lorato lwa Bokeresete.—1 Johane 3:18.
1 Kwa dinageng dingwe puso e thusa batlhoki ka madi. Kwa go se nang thuso e e ntseng
jalo gone, boikarabelo jono ke jwa ba masika a batlhoki.—1 Timotheo 5:3, 4, 16.
r
Bona dikarabo tse di oketsegileng tsa dipotso tsa Baebele mo www.jw.org/tn
Ke eng se batlhoki ba ka se dirang go tokafatsa maemo a bone?
MODIMO O RE THUSA GORE RE TOKAFATSE MAEMO A RONA Fela jaaka batho ba le bantsi ba lemogile, botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng bo solegela molemo e bile bo kaela ka tsela e e molemo go gaisa.
Diane 2:6, 7 ya re: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go
na le kitso le temogo. Mme o tla bolokela ba ba thokgameng botlhale jo
bo mosola.” Fa batho ba batla botlhale joo ba bo ba bo dirisa, ba solegelwa molemo.
Ka sekai, ba tila mekgwa e e kotsi le e e senyang madi e e jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang kgotsa go nwa bobe. (2 Bakorintha 7:1) Gape e nna batho ba ba ikanyegang, ba ba kelotlhoko le go
feta e bile ba nna batho ba ba nang le boikarabelo mme ka go dira jalo
ba kgona go bona tiro motlhofo kgotsa ba anaanelwe thata ke bathapi
ba bone. Baefeso 4:28 ya re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme
go na le moo a a dire ka natla, . . . gore a tle a nne le sengwe se a se
abelang mongwe yo o tlhokang.”
“Nna Jehofa, ke Modimo wa
gago, Yo ke go rutang gore
o solegelwe molemo.”
—Isaia 48:17, 18.
A go na le bosupi jwa gore botlhale jo bo fitlhelwang mo
Baebeleng bo thusa batlhoki?
BOSUPI JWA GORE SENO KE BOAMMAARURI Wilson, yo o neng a
na le tiro ya nakwana kwa Ghana, o ne a le gaufi le go wetsa lobaka lo
a neng a thapetswe go bereka ka lone. Mo letsatsing la gagwe la bofelo
kwa tirong, fa a ntse a tlhatswa koloi ya manejara wa gagwe yo mogolo
o ne a fitlhela madi mo butung. Motho yo o neng a mo okametse o ne a
re a itseele madi ao. Mme Wilson, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o ne
a gana go utswa. Go na le moo, o ne a busetsa madi ao kwa go mong
wa one. Mo boemong jwa go lebogisiwa tiro, Wilson o ne a newa tiro ya
nako e e tletseng mme moragonyana a dirwa mookamedi yo mogolo.
´
Kwa Yuropa, Geraldine o ne a kobiwa mo tirong ka gonne mothapi
wa gagwe o ne a sa rate Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mmaagwe mothapi yono o ne a mmolelela gore o dirile phoso e kgolo ka go
´
koba Geraldine. O ne a re: “O ka se bone mothapiwa yo o ikanyegang e
bile a tsaya tiro ya gagwe masisi jaaka mothapiwa yo e leng Mosupi wa
ga Jehofa.” Mothapi yono o ne a dira dipatlisiso ka Basupi mme a thapa
´
Geraldine gape.
`
Fa Sarah, mme yo o se nang molekane mo Afrika Borwa a ne a lebane le dinako tse di boima, o ne a bona kafa Baebele e ka tlhotlheletsang batho go bontsha ba bangwe lorato ka teng fa maloko a phuthego
ya ga bone a ne a naya ba lelapa la gagwe dijo le go ba pega mo dikoloing tsa bone. Moragonyana, bana ba gagwe ba ne ba re, “Re na le batsadi ba le bantsi mo phuthegong.”
“Botlhale jwa Modimo bo
supiwa bo siame ka
diphelelo tsa jone.”
—Mathaio 11:19,
The New English Bible.
Go na le maitemogelo a le mantsi a a tshwanang le ao. Mme a re gopotsa Diane 1:33 e e reng: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego.” A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne! ˛
Tsogang! February 2013 15
A O NE O TLHAMILWE?
OKGANTITSWANE wa agama o kgona go tlola motlhofo fela go tswa
fa fatshe go ya mo leboteng. Mme fa e
le gore lefelo le o tlolang go tswa mo go
lone le boreledi, o a relela, le fa go ntse
jalo o kgona go tlhoma sentle mo leboteng. O kgona jang? O thusiwa ke mogatla wa one.
M
Mogatla wa
Mokgantitswane
wa Agama
Ela Tlhoko: Fa mekgantitswane eno e
tlola go tswa mo lefelong le le seng boreledi—le le thusang gore e kgone go itsetsepela—sa ntlha e dira gore mebele ya
yone e tsepame le gore megatla ya yone
e nne e lebile fa fatshe. Seno se e thusa gore e kgone go leba kwa ntlheng e e
siameng fa e tlola. Mme fa mekgantitswane eno e le mo lefelong le le boreledi gantsi e a relela e bo e tlola e lebile
kwa ntlheng e sele. Le fa go ntse jalo, fa
e ntse e le mo moyeng, e dira gore mebele ya yone e lebe kwa e tshwanetseng
go leba teng ka go isa megatla kwa godimo. Mokgwa ono o raraane. Pego e e dirilweng ke Yunibesithi ya California, kwa
Berkeley ya re: “Mekgantitswane e
tshwanetse go nna e baakanya megatla ya yone gore mebele ya yone e nne e
lebile kwa go tshwanetseng teng.” Fa
mokgantitswane o tloga mo lefelong le
le boreledi thata, o tshwanetse wa tsholetsa mogatla wa one le go feta gore o
tlhome sentle ka maoto.
5 Ariadne Van Zandbergen
s
n
o
Itseele makasine ono le
tse dingwe tse di fetileng
mo Internet mahala
m
q
Mogatla wa agama o ka nna wa
thusa baenjenere go tlhama dikolotsana
tsa diroboto tse di kgonang go tsamaya
ka bofefo mo mafelong a a farologaneng
e bile di ka dirisiwa go batla bafalodi morago ga thoromo ya lefatshe kgotsa tiragalo e nngwe ya masetlapelo. Mmatlisisi
Thomas Libby a re: “Diroboto ga di majato jaaka diphologolo, ka jalo sengwe le
sengwe se se ka dirang gore roboto e
kgone go tsamaya e sa we, e tla bo e le
phitlhelelo e kgolo.”
O akanya eng? A mogatla wa agama
o itiragaletse fela? Kgotsa a o ne o tlhamilwe? ˛
Ditlhogo le Ditshwantsho
tse di ka dirisiwang ke
batsadi, basha le bana
p
Baebele e teng mo Internet
ka dipuo di ka nna 50
g13 02-TN
Scarica

!"#2 - Jehovah`s Witnesses