®
Microsoft Office
®
Excel 2007 Katiso
Tlhama bukatiro ya gago ya
ntlha
Diteng tsa khoso
• Kakaretsi: Go simololwa fa kae?
• Thuto 1: Ithute ka bukatiro
• Thuto 2: Tsenya tshedimosetso
• Thuto 3: Tseleganya tshedimosetso o bo o
tlhatlhobe ditsebetiro
Thuto nngwe le nngwe e akaretsa lenaane la ditiro tse di
akantshitsweng le setlhopha sa dipotso tsa tlhatlhobo.
Kakaretso: Go simololwa fa kae?
O kopilwe go tsenya tshedimosetso mo go
Excel 2007, mme ga o ise o ko o dirise
Excel. O simolola fa kae?
Kgotsa gongwe o kile wa dirisa Excel mme
o santse o ipotsa gore ditiro dingwe tsa
motheo tse di tshwanang le go tsenya
mafoko le dipalo le go a tseleganya,
kgotsa go tlhakanya le go phimola
dikholomo le mela di dirwa jang.
Fano o tlile go ithuta bokgoni jo o bo
batlang jwa go dirisa Excel, ka bofefo ka
bothatanyana jo bo seng kalo.
Boikaelelo jwa khoso eno
• Tlhama bukatiro e ntšhwa.
• Tsenya mafoko le dipalo.
• Tseleganya mafoko le dipalo.
• Go tsenya le go phimola dikholomo le mela.
Thuto 1
Ithute ka bukatiro
Ithute ka bukatiro
Fa o simolola Excel, o
lebale le keriti e kgolo
e e senang sepe e e
dirilweng ka
dikholomo, mela, le
disele.
Fa e le gore o mosha mo go Excel, o ka nna wa ipotsa gore ke eng
se se latelang se o tshwanetseng go se dira.
Jalo khoso e e tlile go simolola ka go go thusa gore o dire ka
phuthulogo fa o dirisa dilo tsa motheo dingwe tsa Excel tse di tla go
kaelang fa o tsenya tshedimosetso mo go Excel.
Ribone
Gae
Tsenya
Phimola
Fometa
Disele
Tlhaola
le go
Tlhotlha
Go Tseleganya
Ribone e dirilwe ka dithebo tse di farologaneng, tse
nngwe le nngwe ya tsone e amanang le mefuta e e
rileng ya tiro e batho ba e dirang mo go Excel.
O tobetsa dithebo kwa godimo ga Ribone go bona
ditaelo tse di farologaneng mo thebong nngwe le nngwe.
Bente e e kwa godimo
ga fensetere ya Excel
2007 e bidiwa
Ribone.
Ribone
Gae
Tsenya
Phimola
Fometa
Disele
Tlhaola le
go
Tlhotlha
Go Tseleganya
Thebo ya Gae, ya ntlha
kafa molemeng, e na le
ditaelo tsa letsatsi le
letsatsi tse batho ba di
dirisang gantsi.
Setshwantsho se
bontsha ditaelo tsa
thebe ya Gae mo
Riboneng.
1
Ribone e lekana le bogodimo jwa fensetere ya Excel.
2
Ditaelo tse di mo Riboneng di rulagantswe ka ditlhopha
tse dinnye tse di tsamaisanang. Ka sekai, ditaelo tsa go
dirisa diteng tsa disele di beilwe mmogo ka setlhopha sa
go Tseleganya, mme ditaelo tsa go dirisa disele ka
botsone di mo setlhopheng sa Disele.
Dibukatiro le ditsebetiro
Buka1 – Microsoft Excel
Fa o simolola Excel, o bula
faele e e bidiwang
bukatiro.
Bukatiro nngwe le nngwe e
ntšhwa e na le ditsebetiro
di le tharo tse o tsenyang
tshedimosetso mo go
tsone.
Tsebe1
Tsebe2
Tsebe3
Dira jaana.
Se se bontshiwang fa ke tsebetiro e e senang sepe mo bukatirong e ntšhwa.
1
Bukatiro ya ntlha e o tla e bulang e bidiwa Buka1.
Setlhogo se se bonala mo bareng kwa godimo ga
fensetere go fitlhela o boloka bukatiro ka setlhogo sa
gago.
Dibukatiro le ditsebetiro
Buka1 – Microsoft Excel
Fa o simolola Excel, o
bula faele e e bidiwang
bukatiro.
Bukatiro nngwe le nngwe
e ntšhwa e na le
ditsebetiro di le tharo tse
o tsenyang tshedimosetso
mo go tsone.
Tsebe1
Tsebe2
Tsebe3
Dira jaana.
Se se bontshiwang fa ke tsebetiro e e senang sepe mo bukatirong e ntšhwa.
2
Dithebo tsa tsebe di bonala kwa tlase ga fensetere. Go
botlhale go naya dithebo tsa tsebe leina gape gore go
nne motlhofo go lemoga tshedimosetso e e mo tsebeng
nngwe le nngwe.
Dibukatiro le ditsebetiro
Gape o ka nna wa bo
o ipotsa gore o ka
tlhama jang bukatiro e
ntšhwa.
Buka1 – Microsoft Excel
Dira jaana.
Tsebe1
Tsebe2
Tsebe3
1. Tobetsa Konopo ya Microsoft Office
kafa molemeng wa fensetere.
mo karolong e e kwa godimo
2. Tobetsa Ntšhwa.
3. Mo fensetereng ya Bukatirong e Ntšhwa, tobetsa
Bukatiro e e Lolea.
Dikholomo, mela, le disele
Ditsebetiro di
kgaogantswe ka
dikholomo, mela le
disele.
Ke yone keriti e o e
bonang fa o bula
bukatiro.
1
Dikholomo di simolola kwa godimo di ya kwa tlase mo
tsebetirong, ka tsepamo. Kholomo nngwe le nngwe e na
le setlhogo sa ditlhaka kwa godimo.
2
Mela yone e kgabaganya tsebetiro, ka thapamo. Mola
mongwe le mongwe o na le setlhogo. Ditlhogo tsa mela
ke dipalo, go simolola ka 1 go ya go 1,048,576.
Dikholomo, mela, le disele
Ditsebetiro di
kgaogantswe ka
dikholomo, mela le
disele.
Ke yone keriti e o e
bonang fa o bula
bukatiro.
Ditlhogo tsa ditlhaka tsa dikholomo le ditlhogo tsa dipalo
tsa mela di go bolelela gore o fa kae mo tsebetirong fa o
tobetsa sele.
Ditlhogo di kopana go dira aterese ya sele. Ka sekai,
sele ya fa marakanelong a kholomo A le mola 3 e bidiwa
sele A3. Se se bidiwa tshupiso ya sele.
Disele ke mo tshedimosetso e tsenang teng
Disele ke gone mo o
direlang teng le go
tsenya tshedimosetso
mo tsebetirong.
Setshwantsho se se mo molemeng se bontsha se o se bonang fa o
bula bukatiro e ntšhwa.
Sele e ntšhwa mo sekhutlong se se kwa godimo kafa molemeng sa
tsebetiro ke sele e e dirisiwang. E na le legora le lentsho, le le
bontshang gore tshedimosetso epe e o e tsenyang e tlile go tsena
moo.
Disele ke mo tshedimosetso e tsenang teng
O ka kgona go tsenya
tshedimosetso
gongwe le gongwe fa
o ratang teng ka go
tobetsa sele nngwe le
nngwe mo tsebetirong
go tlhopha sele.
Fa o tlhopha sele epe fela, e nna sele e e dirisiwang.
Jaaka go tlhalositswe pele, e nna le legora le lentsho.
Ditlhogo tsa kholomo le mola tse sele e leng mo go
tsone le tsone di a supega.
Disele ke mo tshedimosetso e tsenang teng
O ka kgona go tsenya
tshedimosetso
gongwe le gongwe fa
o ratang teng ka go
tobetsa sele nngwe le
nngwe mo tsebetirong
go tlhopha sele.
Ka sekai, fa o tlhopha sele mo kholomong ya C mo
moleng wa 5, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong
se se kafa mojeng:
1
Kholomo ya C e totobaditswe.
2
Mola 5 o totobaditswe.
Disele ke mo tshedimosetso e tsenang teng
O ka kgona go tsenya
tshedimosetso
gongwe le gongwe fa
o ratang teng ka go
tobetsa sele nngwe le
nngwe mo tsebetirong
go tlhopha sele.
Ka sekai, fa o tlhopha sele mo kholomong ya C mo moleng wa 5, jaaka go
bontshitswe mo setshwantshong se se kafa mojeng:
3
Sele e e dirisiwang, eleng C5 mo ntlheng eno, e na le
legora. Mme leina la yone—le le lone le bidiwang tshupiso
ya sele—le bontshiwa mo Bokosong ya Leina mo
sekhutlong se se kwa godimo kafa molemeng wa bukatiro.
Disele ke mo tshedimosetso e tsenang teng
Sele e e nang le
legora, ditlhogo tsa
kholomo le mola tse di
totobaditsweng, le go
bonala ga tshupiso ya
sele mo Bokosong ya
Leina di dira gore go
nne motlhofo gore o
bone gore C5 ke yone
sele e e dirisiwang.
Ditshupiso tse ga di botlhokwa thata fa o le kwa godimo
ga tsebetiro mo diseleng tsa ntlha tse di mmalwa.
Mme fa o ntse o ya kwa tlase ga tsebetiro le go e
kgabaganya, di ka go thusa thata.
Dikakantsho tsa go ikatisa
1. Naya thebo ya tsebetiro leina gape.
2. Tshwaya mo tsebetirong e nngwe go ya go e nngwe.
3. Tsenya mmala mo dithebong tsa tsebetiro.
4. Tsenya le go phimola ditsebetiro.
5. Tlhatlhoba ditlhogo tsa dikholomo o bo o dirise Bokoso ya Leina.
Tlhatlhobo 1, potso 1
O tlhoka bukatiro e ntšhwa. O e tlhama jang? (Tlhopha karabo
e le nngwe.)
1. Mo setlhopheng sa Disele, tobetsa Tsenya, o bo o tobetsa
Tsenya Tsebe.
2. Tobetsa Konopo ya Microsoft Office, o bo o tobetsa E
Ntšhwa. Mo fensetereng ya Bukatiro e Ntšhwa, tobetsa
bukatiro e e Lolea.
3. Mo setlhopheng sa Disele, tobetsa Tsenya, o bo o tobetsa
Bukatiro.
Tlhatlhobo 1, potso 1: Karabo
Tobetsa Konopo ya Microsoft Office, o bo o tobetsa Ntšhwa. Mo
fensetereng ya Bukatiro e Ntšhwa, tobetsa Bukatiro e e Lolea.
Tlhatlhobo 1, potso 2
Bokoso ya Leina e bontsha diteng tsa sele e e dirisiwang.
(Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Boammaaruri.
2. Maaka.
Tlhatlhobo 1, potso 2: Karabo
Maaka.
Bokoso ya Leina e go naya tshupiso ya sele e e dirisiwang. Gape o ka
nna wa dirisa Bokoso ya Leina go tlhopha sele, ka go tlanya tshupiso ya
sele eo mo bokosong.
Tlhatlhobo 1, potso 3
Mo tsebetirong e ntšhwa, o tshwanetse go simolola ka go
tlanya sele ya A1. (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Boammaaruri.
2. Maaka.
Tlhatlhobo 1, potso 3: Karabo
Maaka.
O gololesegile go ya gongwe le gongwe le go tlanya gope fela fa o
batlang teng. Tobetsa mo seleng epe mme o simolole go tlanya. Mme o
seka wa dira gore babadi ba sekorole go bona tshedimosetso e e ka
nnang ya simolola mo seleng ya A1 kgotsa A2.
Thuto 2
Tsenya tshedimosetso
Tsenya tshedimosetso
O ka nna wa dira Excel
go tsenya tshedimosetso
ya mefuta yotlhe, ya
boitseanape kgotsa ya
motho.
Dikereiti tsa Moithuti
Pego ya Dithekiso
Ditshenyegelo tsa
Malatsi a Boikhutso
O ka nna wa tsenya
mefuta ya motheo ya
tshedimosetso mo
diseleng tsa tsebetiro:
dipalo le mafoko.
O ka nna wa dirisa Excel go tlhama dibajete, wa dira makgetho, wa rekota dikereiti tsa
baithuti kgotsa ba ba leng teng, kgotsa wa kwala lenaane la didirwa tse o di rekisang. O ka
nna wa dira rekoto ya go itshidila mmele ga tsatsi le letsatsi, wa latela go fokotsega ga
mmele ga gago, kgotsa wa latedisa tlhotlhwa ya ntlo ya gago kgotsa go dira sekao sa yone
sešwa. Dilo tse o ka kgonang go di dira eleruri ga di na palo.
Jaanong a re tsene mo go tsenngweng ga tshedimosetso.
Nna bonolo mo babading ba gago: simolola ka ditlhogo tsa kholomo
A
1
B
1 2004
C
D
E
F
2005
2006
2007
2008
2
2
3
4
Ditiro tsa
Tekeletso
Musiamo wa
Saense wa
Baldwin
Contoso
Ka tsela eno, mongwe fela yo o tlhakanetseng tsebetiro
ya gago le wena, o kgona go tlhaloganya se
tshedimosetso e se kayang (le wena o ka kgona go e
tlhaloganya ka bowena).
Gantsi o tla batla go tsenya le ditlhogo tsa mela.
Fa o tsenya
tshedimosetso, ke
mogopolo gore o
simolole ka go tsenya
tshedimosetso kwa
godimo ga kholomo
nngwe le nngwe.
Nna bonolo mo babading ba gago: simolola ka ditlhogo tsa kholomo
A
1
B
1 2004
C
D
E
F
2005
2006
2007
2008
2
2
3
4
Ditiro tsa
Tekeletso
Musiamo wa
Saense wa
Baldwin
Bukatiro e e mo
setshwantshong e
bontsha tsebetiro
metsamao ya
mmatota le e e
solofetsweng ya dilo
mo dingwageng di le
mmalwa.
Contoso
E dirisa ditlhogo tsa dikholomo le mela:
1
Ditlhogo tsa dikholomo, tse di kgabaganyang le tse di
tswang kwa godimo di ya kwa tlase mo tsebetirong, ke
dingwaga.
2
Ditlhogo tsa mela tse di tswang kwa godimo go ya kwa
tlase kafa molemeng ke maina a dikhamphane.
Simolola go tlanya
1
A
B
C
Leina
Letlha
Bokae
D
2
3
4
5
Jalo o tla tlhoka ditlhogo tse tsa dikholomo: Leina,
Letlha, le Bokae.
A re re o tlhama
lenaane la maina a
batho ba ba rekisang.
Gape lenaane le tla
nna le matlha a
dithekiso, a na le gore
go dirilwe bokae ka
matlha ao.
Simolola go tlanya
1
A
B
C
Leina
Letlha
Bokae
D
2
3
4
5
Setshwantsho se bontsha tiro ya go tlanya
tshedimosetso le go tswa mo seleng go ya go e nngwe:
1. Tlanya Leina mo go sele A1 mme o tobetse TAB.
Morago tlanya Letlha mo seleng ya B1, tobetsa TAB,
o bo o tobetsa Bokae mo go sele C1.
A re re o tlhama
lenaane la maina a
batho ba ba rekisang.
Gape lenaane le tla
nna le matlha a
dithekiso, le gore go
dirilwe bokae ka
matlha ao.
Simolola go tlanya
1
A
B
C
Leina
Letlha
Bokae
2
Buchanan
3
Suyama
4
Peacock
D
5
A re re o tlhama
lenaane la maina a
batho ba ba rekisang.
Gape lenaane le tla
nna le matlha a
dithekiso, le gore go
dirilwe bokae ka
matlha ao.
Setshwantsho se bontsha tiro ya go tlanya
tshedimosetso le go tswa mo seleng go ya go e nngwe:
2. Morago ga go tlanya ditlhogo tsa dikholomo, tobetsa mo go sele A2
go simolola go tlanya maina a batho ba ba rekisang. Tlanya leina
la ntlha, o bo o tobetsa ENTER go sutisa se se tshwailweng kwa
tlase mo kholomong go tswa mo seleng e le nngwe go ya mo go
sele A3. Morago tlanya leina le le latelang, jalo le jalo.
Tsenya matlha le dinako
1
A
B
C
Leina
Letlha
Bokae
2
Buchanan
2009/05/03
3
Suyama
2009/06/05
4
Peacock
2009/05/05
D
5
Gore o tsenye letlha mo go kholomo ya B, kholomo ya
Letlha, o tshwanetse go dirisa seleshe kgotsa thaladi go
kgaoganya dikarolo tse di sa tshwaraganang: 2009/7/16
kgotsa 16-Phukwi-2009. Excel e tla di lemoga ka bobedi
gore ke matlha.
Excel e lepalepanya
mafoko kafa
molemeng wa disele,
mme e lepalepanya
matlha kafa mojeng
wa disele.
Tsenya dipalo
1
A
B
C
D
Leina
Letlha
Bokae
2
Buchanan
2009/05/03
5500
3
Suyama
2009/06/05
6300
4
Peacock
2009/05/05
4180
5
Excel e lepalepanya
dipalo kafa
letlhakoreng la moja
ka disele.
Tsenya dipalo
Dipalo tse dingwe le kafa di tsenngwang ka teng
• Go tsenya dipalophatlo, tlogela sebaka fa gare ga palo e e tletseng
le palophatlo. Ka sekai, 1 1/8.
• Go tsenya palophatlo fela, simolola ka go tsenya lefela, ka sekai,0
1/4. Fa o tsenya 1/4 ntle le lefela, Excel e tla tsaya gore palo eo ke
letlha, Ferikgong 4.
• Fa o tlanya (100) go supa palotlase ka masakana, Excel e tla
bontsha palo eo e le -100.
Dikakantsho tsa go ikatisa
1. Tsenya o dirisa TAB le ENTER.
2. Baakanya diphoso jaaka o ntse o tlanya.
3. Tsenya matlha le dinako.
4. Tsenya dipalo.
Tlhatlhobo 2, potso 1
Go tobetsa ENTER go sutisa se se tshwailweng ka sele e le
nngwe go ya kafa mojeng. (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Boammaaruri.
2. Maaka.
Tlhatlhobo 2, potso 1: Karabo
Maaka.
Go tobetsa ENTER go sutisetsa se se tshwailweng kwa tlase. Go
tobetsa TAB go sutisetsa se se tshwailweng kafa mojeng.
Tlhatlhobo 2, potso 2
Ke sefe sa tseno se Excel e tla se lemogang e le letlha?
(Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Tlhakole 6 1947.
2. 2,6,47.
3. 2-Tlh-47.
Tlhatlhobo 2, potso 2: Karabo
2-Tlh-47.
O dirisa seleše kgotsa thaladi go kgaoganya dikaralo tsa matlha.
Thuto 3
Tsheleganya tshedimosetso o bo
o tlhatlhobe ditsebetiro
Tsheleganya tshedimosetso o bo o tlhatlhobe ditsebetiro
Tsenya Kholomo
Tsheleganya Tshedimosetso
13256
123456
Tsenya Mola
Mongwe le mongwe o
dira diphoso. Le eleng
tshedimosetso e o e
tsentseng sentle e ka
nna ya tlhoka go
tlhabololwa
moragonyana.
Fa gongwe, tsebetiro
yotlhe e tlhoka go
fetolwa.
A re re o tshwanetse go tsenya kholomo e nngwe ya tshedimosetso, fa
gare gare ga tsebetiro ya gago. Kgotsa a re re o kwala lenaane la
bathapiwa a le mongwe mo moleng, ka thulaganyo ya ditlhaka—o tla
dirang fa o thapa mongwe yo moša?
Thuto e e go bontsha kafa go leng motlhofo ka teng go tsheleganya
tshedimosetso le go phimola dikholomo le mela ya tsebetiro.
Tseleganya Tshedimosetso
A re re o ne o batla
5400 mo go sele A2,
mme o tsentse 4500
ka phoso.
4500
2007
4500
2008
2700
2009
3900
Fa o bona phoso, go
na le ditsela di le pedi
tsa go e baakanya.
Tseleganya
1
Tobetsa sele gabedi go tseleganya tshedimosetso e e leng mo go yone.
2
Kgotsa, morago ga go tobetsa mo seleng, tseleganya tshedimosetso mo
Bareng ya Fomula.
3
Fa o sena go tlhopha sele ka mokgwa ope fela, tsebetiro ya re
Tsheleganya mo bareng ya seemo mo khoneng e e kwa tlase kafa
molemeng.
Tsheleganya Tshedimosetso
Pharologanyo ke efe
gareng ga mekgwa e
mebedi e?
4500
2007
4500
2008
2700
2009
3900
Tseleganya
Go go tlhofofalela. O
ka nna wa bona Bara
ya Fomula, kgotsa
sele ka boyone, e le
motlhofo go dira mo
go yone.
Eno ke tsela e o ka dirang diphetogo ka yone mo mafelong ka bobedi:
• Phimola dikwalo kgotsa dipalo ka go tobetsa
BACKSPACE kgotsa ka go di tlhopha o bo o tobetsa
DELETE.
• Tsheleganya ditlhaka kgotsa dipalo ka go di tlhopha o
bo o tlanya sengwe se se farologaneng.
Tsheleganya Tshedimosetso
Pharologanyo ke efe
gareng ga mekgwa e
mebedi e?
4500
2007
4500
2008
2700
2009
3900
Tseleganya
Go go tlhofofalela. O
ka nna wa bona Bara
ya Fomula, kgotsa
sele ka boyone, e le
motlhofo go dira mo
go yone.
Eno ke tsela e o ka dirang diphetogo ka yone mo mafelong ka bobedi:
• Tsenya ditlhaka tse dintšhwa kgotsa dipalo mo
tshedimosetsong ya sele ka go baya khesara sentle o
bo o tlanya.
Tseleganya Tshedimosetso
Pharologanyo ke efe
gareng ga mekgwa e
mebedi e?
5400
2007
5400
2008
2700
2009
3900
Tseleganya
Lefa e le eng se o se dirang, fa o setse o feditse,
gakologelwa go tobetsa ENTER kgotsa TAB e le gore
diphetolo tsa gago di nne mo seleng.
Go go tlhofofalela. O
ka nna wa bona Bara
ya Fomula, kgotsa
sele ka boyone, e le
motlhofo go dira mo
go yone.
Tlosa go fometiwa ga tshedimosetso
Gae
A
B
2007
2008
5400
2700
A
B
2007
2008
5400
Phimola Tsotlhe
Phimola Difomete
A
B
2007
2008
5400
4000
Mme dipalo tseo di fetogile.
O batla go baakanya seemo.
Kgakgamatso! Go na le
mongwe yo o dirisitseng
tsebetiro ya gago, a
tsenya tshedimosetso
nngwe, a ba a dira gore
palo e e mo seleng ya
B6 e nne ntsho kgotsa
khibidu go totobatsa
gore 2008 e ne e le ya
dipalo tse di kwa tlase?
Tlosa go fometiwa ga tshedimosetso
Gae
A
B
2007
2008
5400
2700
A
B
2007
2008
5400
Phimola Tsotlhe
Phimola Difomete
A
B
2007
2008
5400
4000
Jaaka setshwantsho se bontsha:
1
Palo ya pele e ne e fomatilwe bontsho le bohibidu.
2
Jalo o phimola palo.
3
O tsenya palo e ntšhwa. Mme e santse e le ntsho le
bohibidu! Ke eng se se dirgalang?
Kgakgamatso! Go na le
mongwe yo o dirisitseng
tsebetiro ya gago, a
tsenya tshedimosetso
nngwe, a ba a dira gore
palo e e mo seleng ya
B6 e nne ntsho kgotsa
khibidu go totobatsa
gore 2008 e ne e le ya
dipalo tse di kwa tlase?
Tlosa go fometiwa ga tshedimosetso
Gae
A
B
2007
2008
5400
2700
A
B
2007
Se se diragalang ke
gore sele ka boyone e
fometilwe, eseng
tshedimosetso e e mo
seleng.
2008
5400
Phimola Tsotlhe
Phimola Difomete
A
B
2007
2008
5400
4000
Jalo fa o phimola tshedimosetso e e nang le go
fometiwa mo go kgethegileng, gape o tshwanetse go
phimola go fometiwa mo seleng.
Pele ga o dira jalo, tshedimosetso nngwe le nngwe e o e
tsenyang mo seleng eo e na le go fometiwa mo go
kgethegileng.
Tlosa go fometiwa ga tshedimosetso
Gae
A
B
2007
2008
5400
2700
A
B
2007
Seno ke mokgwa wa
go tlosa go fometa.
2008
5400
Phimola Tsotlhe
Phimola Difomete
A
B
2007
2008
5400
4000
1. Tobetsa sele, o bo o tobetsa thebo yaGae, mo setlhopheng sa Go
Tseleganya, tobetsa motsu o o mo goPhimola .
2. Tobetsa Phimola Difomete, se se tlosang fomete mo
seleng. Kgotsa o ka nna wa tobetsa Phimola Tsotlhe
go tlosa tshedimosetso le go fometa ka nako e le
nngwe.
Tsenya kholomo kgotsa mola
Tsenya
Tsenya Disele...
Tsenya Mola
Tsenya Kholomo
Tsenya Tsebe
Morago ga go tsenya
tshedimosetso, o ka nna
wa bona gore o
tshwanetse go tsenya
dikholomo kgotsa mela
go tsenya tshedimosetso
e nngwe.
A o tshwanetse go
simolola sešwa? Nnyaa
gotlhelele.
Tsenya kholomo e le nngwe:
1. Tobetsa sele epe mo kholomong fela kafa mojeng wa fa o batlang gore
kholomo e ntšhwa e tsene teng.
2. Mo thebong ya Gae, mo setlhopheng saDisele, tobetsa motsu o o mo go
Tsenya. Mo menung wa lenaane le le tobediwang, tobetsa Tsenya
Dikholomo tsa Tsebe. Go tsenngwa kholomo e ntšhwa e e senang sepe.
Tsenya kholomo kgotsa mola
Tsenya
Tsenya Disele...
Tsenya Mola
Tsenya Kholomo
Tsenya Tsebe
Morago ga go tsenya
tshedimosetso, o ka nna
wa bona gore o
tshwanetse go tsenya
dikholomo kgotsa mela
go tsenya tshedimosetso
e nngwe.
A o tshwanetse go
simolola sešwa? Nnyaa
gotlhelele.
Tsenya mola e le nngwe:
1. Tobetsa sele epe fela mo moleng kafa tlase fela ga fa o batlang mola o
mošhwa gone.
2. Mo setlhopheng sa Disele, tobetsa motsu o o mo goTsenya. Mo
menyung wa lenaane le le tobediwang, tobetsa Tsenya Dikholomo tsa
Tsebe. Go tsenngwa mola o montšhwa o o senang sepe.
Dikakantsho tsa go ikatisa
1. Tsheleganya Tshedimosetso.
2. Phimola go fometiwa ga sele.
3. Dira mo seemong sa Tseleganya.
4. Go tsenya le go phimola dikholomo le mela.
Tlhatlhobo 3, potso 1
Ke eng se o simololang go se dira pele ga o phimola sele e e
fometang? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Phimola diteng tsa sele.
2. Tobetsa Fometa mo setlhopheng sa Disele mo thebong ya
Gae.
3. Tobetsa Phimola mo setlhopheng sa go Tseleganya mo
thebong ya Gae.
Tlhatlhobo 3, potso 1: Karabo
Tobetsa Phimola mo setlhopheng sa Tsheleganya mo thebong ya Gae.
O bo o tobetsa Phimola Difomete.
Tlhatlhobo 3, potso 2
Gore o tsenye kholomo, tobetsa sele mo kholomong e e kafa
mojeng wa fa o batlang kholomo e ntšha e nna teng. (Tlhopha
karabo e le nngwe.)
1. Boammaaruri.
2. Maaka.
Tlhatlhobo 3, potso 2: Karabo
Boammaaruri.
Morago mo thebong yaGae, mo setlhopheng saDisele, tobetsa motsu
mo go Tsenya, o bo o tobetsaTsenya Dikholomo go tsenya kholomo.
Tlhatlhobo 3, potso 3
Gore o tsenye mola o montšhwa, tobetsa mo seleng ka
bonako fa godimo ga fa o batlang mola o montšhwa gone.
(Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Boammaaruri.
2. Maaka.
Tlhatlhobo 3, potso 3: Karabo
Maaka.
Go na le moo, o topetsa sele epe fela mo moleng ka bofefo fela mo
moleng o o gaufi kafa tlase ga fa o batlang mola o montšhwa go nna
teng.
Scarica

Microsoft® Office Excel® 2007 Katiso